BOITEKANELO
JWA GAGO
BO MO DIATLENG
TSA GAGO
Go nwa ka tlhaloganyo
Matseno
Go na le malwetse a le mantsi a re a bonang go tswa batsading ba rona le bontatemogolo le bonkoko. Go na le go gonnye kana ga go na sepe se re ka se dirang go thibela malwetse a.
Le gale, go na le malwetse mangwe a re a bonang ka ntlha ya mokgwa o re tshelang ka ona.
Fa re:
sa je dijo tse di siameng sa tlhokomele mebele ya rona re ka nna ra bona malwetse a.
Ona a bidiwa malwetse a mokgwa wa botshelo.
Bukana e, e neela tshedimosetso ka dilo dingwe tse o ka di dirang go thibela malwetse a.
Gakologelwa, ke mmele wa gago. Boitekanelo jwa gago bo mo diatleng tsa gago. Ka jalo itlhokomele.
Bukana e, ka Go nwa ka Tlhaloganyo ke nngwe mo molokolokong wa dibukana.
Dibukana tse dingwe mo molokolokong ke:
Go tshola meno le legano la gago di itekanetse.
Ke tlhopa go se dirise motsoko.
Go itshola o le matlhagatlhaga go nna o itekanetse
Go dira thobalano ka maikarabelo
Go ja go go itekanetseng
Go itlhokomela ga rona
Ditlamorago tsa nako e telele tsa nnotagi
Nnotagi e ka ama boitekanelo jwa gago mo go sa siamang.
Go nwa thata mo nakong e telele go ka senya mmele wa wa gago mo go maswe mo o ka se tlholeng o nna botoka.
Nnotagi e ka tlhola se:
Phepelotlase: Go na le dikotla di le mmalwa mo nnotaging. O ntse o ka nna o sa itekanela fa o nwa nnotagi kgabetsa kgabetsa mme o sa je. Seno se kaya gore o ka lwala mme wa ikutlwa bokoa gantsi.
Tshenyego ya boboko: Nnotagi e diegisa go akanya ga gago. Morago ga nako e telele, nnotagi e tla ama gape ka fao boboko jwa gago bo dirang ka teng.
Bolwetse jwa
Pelo: Go nwa go ka isa kwa pelo ya gago e dirang ka natla mme wena wa swa ka bolwetse jwa pelo.
Kankere: Nnotagi e ka isa kwa kankereng ya legano.
Tshenyego ya
Sebete: Fa o nwa ka dinako tsotlhe, seno se tla tlhola tshenyego kwa sebeteng. Nnotagi e ka senya lebete, ya baka sukiri.
Go se tsogelwe: Sethwe sa monna sa thobalano ga se ne se dira sentle mme o tla nna le bothata mo go nneng le tsepamo.(bopele bo bo sekokoro).
Dintlha dingwe ke tse ka nnotagi le dintsho tse di amanang le nnotagi
Bosenyi bo bontsi le tiriso dikgoka di diragala gonne batho ba dirisa nnotagi botlhaswa. Batho ba nna le go itshwara go gonnye.
Mo dikotsing tsa ditsela tsotlhe tse mo go tsona batho ba swang, go ne ga fitlhelwa gore bontsi jwa bakgweetsi ba ne ba ntse ba nwa mme ba nole dino tse dintsi go feta ka fa go dumelelwang ke molao.
Batsamaya ka dinao ba le bantsi ba ba bolawang mo dikotsing tsa pharakano ba ka fa tlase ga tlhotlheletso ya nnotagi.
Dintsho tse di amanang le nnotagi le malwetse di bakela naga madi a le mantsi ngwaga mongwe le mongwe. Madi a, a ka dirisiwa botoka mo thutong, boitekanelong le mo dintlong.
GO NWA KA TLHALOGANYO LE KA MAIKARABELO
Gakologelwa, gore dino tse di farologaneng di na le maemo a a farologaneng a nnotagi. Go na le yuniti ya nnotagi mo go nngwe le nngwe ya tse:
Galase e le 1 e nnye ya beine
O ka itlhophela gore ke efe ya tse e o ratang go e nwa.
O tshwanetse gape o se ka wa nwa sepe fa o sa itse gore e na le nnotagi e e kana kang mo go yona. Seno se ka nna kotsi thata!
Go nwa ka tlhaloganyo le ka maikarabelo ke fa:
o nwa go ithabisa, mme o sa tseye go feta diyuniti tse 2 tsa nnotagi.
o sa nwe letsatsi lengwe le lengwe, ke gore, ga o dire go nwa tlwaelo.
o sa tswakanye dino tsa gago. Nwaa fela mofuta o le mongwe wa seno sa nnotagi ka nako.
o sa nwe o kgweetsa kana o tsamaya.
Ditlamorago tsa go nwa
Ke se se diragalang ka gale fa batho ba nwa:
Morago ga diyuniti tse 1 - 2: O bua thata o nna matlhagatlhaga; pelo ya gago e betsa ka pele.
Morago ga diyuniti tse 3: Go kgweetsa ga gago go nna maswe; katlholo ya gago e nna bonya mme o ntse o ka tsewa ke sedidi.
Morago ga diyuniti tse 5: O ntse o ka se bone sentle; fa o bua, o tla bua mafoko ka go sa tlhapang; ga o kgone go tsiboga ka bonako.
Morago ga diyuniti tse 8: Ga o kgone go tsamaya o tlhamaletse e bile o tla latlhegelwa ke tekatekano; o ntse o ka bona gabedi.
Morago ga diyuniti tse 15 - 20: O fufulelwa thata mme o ntse o ka idibala.
Seno se bontsha gore o se ka wa nwa go feta diyuniti tse pedi. Ka diyuniti tse tharo fela, maitsholo a gago a a fetoga mme katlholo ya gago e bonya.
O se ka wa tsoga o nole nnotagi fa ...
O imile
O lapile
O sa ja letsatsi lotlhe
O kgweetsa kana o tsaya leeto le le leele kana o tshwanetse go tsamaya
O nwa melemo
Fa o nwa ...
O se ka wa tsoga o dumeletse batho go tlatsa galase ya gago pele e nna lolea. O ka se itse gore o nole go le kana kang.
O se ka wa tswaka dino tsa gago.
Nwaa ka iketlo. Pele o bona nno ya gago e e latelang, goduma galase ya metsi. Seno se tla fokotsa go nwa ga gago.
Tlhomamisa gore o jele sengwe pele ga fao. O se ka ka gope wa nwela mo maleng a a se nang sepe.
O se ka wa kgweetsa kana wa tsamaya. Bogolo bona sepalangwa se sengwe go ya gae.
O se ka ka gope wa letla ope go go gapeletsa go nwa fa o sa rate go dira jalo.
Nnotagi
Fa batsadi ba nwa bokana jo bo feteletseng jwa nnotagi
Motsadi yo o tagwang a ka nna le ditlamorago tse di maswe mo lelapeng. A ka nna a tla gae a tagilwe mme a lwa le maloko a lelapa la gagwe.
Motsadi yo o nnang a tagilwe a ka dirisa madi otlhe a legae mo bojalweng. Seno se tlogela lelapa le se na sepe go se dirisa mo dijong le diaparong, go isa kwa botshelong bo bo sa itumetseng jwa lelapa, le bo bo sa tsepamang.
Batho ba baša ba itshola ka ditsela tse di farologaneng fa ba nna le batsadi ba ba tagwang. Fano go dilo di le mmalwa tse o ka di solofelang:
Ba ithuta go se tshepe bagolo.
Ga ba itlhalose maikhutlo a bona kana go bolelela ba bangwe ka mathata a bona.
Ba ntse ba ka simolola go dirisa botlhaswa dino tse di tagang le diritibatsi go leka go okobatsa matshwenyego a bona.
Ba tshelela mo letshogong la batsadi ba bona.
Ba ikutlwa ba ikarabela boitshwaro jwa batsadi ba bona mme ba ikutlwa ba le molato ka ntlha ya se.
Fa o tshela le motho yo o nwang thata, lebelela matshwao a mo lelapeng la gaeno.
Batho ba baša ba tshwanetse go itse gore:
ga ba esi- go na le ba bangwe ba bantsi ba ba nang le mathata a a tshwanang.
bona ba le esi ga ba ne ba kgona go thusa batsadi ba bona.
ga se bona sebakwa sa mathata a bona.
go na le batho ba ba ka buang le bona!
Fa batho ba baša ba sa rate go bua le motho yo mongwe mo lelapeng, ka jalo ngaka, mooki, morutabana kana tsala ba ka bo ba ka kgona go ba thusa.
FA BATHO BA BAŠA BA NWA
Batho ba baša ba ithuta go nwa go tswa mo lelapeng le ditsaleng tsa bona. Fa o le motsadi, o tlhoka go bua ka phuthologo le bana ba gago ka nnotagi le ditlamorago tsa yona. Batho ba baša ba tla lekelela ka nnotagi, ka jalo, jaaka motsadi, o tlhoka go tlamela tikologo e e babalesegileng koo ba ka buisanang ka go nwa le wena.
Ruta bana ba gago, pele, go se nwe gotlhelele. Fa ba dirisa dino tse di tagang, ba rute go nwa go go babalesegileng le ga maikarabelo! Seno se tla ba thusa go dira ditlhopho tse di tshwanetseng.
O itse jang fa motho a na le bothata jwa go nwa?
Gongwe o itse batho ba o
Gog akanyang ba ka bo ba na le bothata jwa go nwa.
Kwa ntle ga fa o tlhomamisa gore ba kgaratlha go laola go nwa ga bona, o ka se kgone go ba thusa. Potso ke gore: "O itse jang fa fa motho a nwa e seng ka maikarabelo?"
Ee
Nnyaya
A o nwa go le gontsi go feta jaaka a ne a dira, letsatsi lengwe le lengwe?
A o tsena mo dintweng fa a nwa?
A o nwa gonne a jewa ke bodutu, a tsupuetsegile le/kana a ikutlwa a imelegile?
A o ne a amegile mo kotsing gonne a ne a nole?
A o ntse a tlodisa go ya tirong malatsi a, ka ntlha ya papalasi?
A o dirisa nako e ntsi a nwa go na le go nna le nako le lelapa?
A o kile a betsa mongwe fa a ne a tagilwe?
A o nwa go feta jaaka a rata go dira?
Fa karabo go efe kana efe ya mathata a e le "Ee", o na le bothata jwa go nwa. O se ka wa leta go fitlha bothata bo etegetse.
Ditiro dingwe tsa batho ba baša
Tiro 1
Ke lenyalo la ga Zinhle. Ditsala tsotlhe tsa gagwe go tswa kgaolong di tlile moletlong wa gagwe. Go a opelwa, go a binwa le go nwa. Lebelela ditshwantsho fa tlase. Go na le dikao di le 10 tsa fa batho ba sa nweng ka tlhaloganyo. Di bolele. Tlhalosa gore ba tshwanetse go dira eng gore ba nne banwi ba ba nang le tlhaloganyo.
Dikarabo
Motho yo o thekeselang; motho yo o idibetseng mo bodilong; motho yo o ntseng ka botlolo e e halofo fa pele ga gagwe; go lwa; motho yo o lebegang a lwala; mosadi wa moimana yo o nwang; motho yo o fopholetsang tsela ya gagwe go ya koloing ka botlolo mo letsogong la gagwe; mongwe yo o lebegang a utlwile botlhoko; mongwe yo o tshelang bojalwa mo memetsong ya batho ba bangwe; motho yo o nayang ngwana yo monnye nnotagi.
Fa o ka bo o eletsa go itse ka fa o ka nwang ka teng ka tlhaloganyo, lebelela tsebe 5 - 7.
Tiro 2
TIRO E KE YA BA DINGWAGA TSOTLHE
Mo go nngwe le nngwe ya dipotso, tlhopha karabo e le nngwe e e go tlhalosang botoka.
O laleditswe kwa moletlong. Kwa moletlong go tletse go nwa le go bina. A o:
a swetsa go tsena le wena. O rata go nna karolo ya modumo. 5
b nwa fela dibiri tse 2. tla re o ya go kgweeletsa gae moragonyana. 2
c nwa go fitlha o ikutlwa o tsewa ke sedidi. Jaanong o be o emisa go nwa. 3
d tla re ga o nwe gotlhelele.1
Ditsala tsa gago di simolotse tsotlhe go nwa mme ba tagwa ka gale. Ba dira seno mo gare ga beke, kwa meletlong, pele ga tiro le kwa sekolong. A o:
a emisa go ba bona. O lapile ka kgatelelo mme ga o rate go nwa tota. 1
b ikutlwa gore o leke go le gonnye. O emise fa o sena go lemoga fa o sa rate go ikutlwa o tagilwe nako yotlhe. 2
c a nwa mme o tagwe. Segolo ka o phela gangwe fela. 2
O ne o na le letsatsi le le tshwaregileng mme ga o a nna le nako ya go ja. O ikutlwa o lapile thata. A o:
a Ya gae. O bona sengwe go ja le go tsaya seno se le sengwe fela go itapolosa.
b Ya bareng kana šebineng e e gaufi nao. O tla kgona go itapolosa fa o na le sengwe go nwa. Dilalelo di tla bo di siame fa o ya gae moragonyana. 5
c Ya gae, o a ja le go robala ka pele. Dilo di tla siama ka moso. 1
O kwa moletlong koo go nang le dino tse dintsi. Baeti ba kgobokanetse botlolo ya boranti. Mongwe le mongwe o nwa go tswa mo lebotlolong. A o:
a Tsaya galase. O tlhoka go itse gore o nwa go le kana kang. 1
b Tsenela monate le go tsaya methamo e mentsi. A botlolo e ka nna ya fela ka bonako. 5
c Tsaya mothamo mme wa ipolela gore ke wa bofelo.
O etela tsala. O bula botlolo ya boranti le go tlisa dibiri tse dingwe. A o:
a Nwa dino di le mmalwa. O ntse o emetse se letsatsi lotlhe. Morago ga dino di le mmalwa o ikutlwa ka gale o le botoka. 5
b Nwa dino di le mmalwa. O emisa fa o tsewa ke sedidi mme monagano wa gago o tlhakatlhakane go le gonnye. 3
c Nwa se le sengwe kana di le pedi dino. Ga o rate go latlhegelwa ke taolo ya mmele wa gago kana monagano. 1
Jaanong kopanya dipalo mo masakaneng kwa bofelong jwa karabo nngwe le nngwe e o e tlhophang o be o tlhola maduo a gago.
O BONE MADUO GO LE KANA KANG?
MADUO
go fitlha 8
O monwi yo o dirisang tlhaloganyo. O akanya ka se o se nwang e bile o itse ka ditlamorago tsa go nwa. Ga o dumele gore o gapelediwe go nwa.
go fitlha 18
Nako nngwe o na le tlhaloganyo ka fa o nwang ka teng. Dinako dingwe ga o na maikarabelo. O tlhoka go tlhopha go nwa ka tlhaloganyo le go ema mo go seo! O se ka wa letla ditsala tsa gago go go gapeletsa go nwa! Seno ga se dire gore o tume.
go fitlha 25
O monwi yo o se nang maikarabelo. O nwa thata mme o tlhoka go ikutlwa o le karolo ya pokanelo. Fa o tswelela go nwa ka tsela e, o ka nna wa amega mo dikotsing kana le mo dintweng tota. Go gaisa fa, go nwa ga gago go tla ama boitekanelo jwa gagwe mo go sa siamang mme ga baka tshenyego ya boboko jwa gago, pelo le sebete. O tlhokega go simolola go nwa ka tlhaloganyo, kana le gona go sekaseka go emisa gotlhelele!
A o ka thusa
Rotlhe re tshela Mme yo o tshwenyegileng, le batho ba ba nang le mathata a go nwa. Re ka fetola Go na le thuso ya batho ba ba jang dilo? Re tlhoka nang le bothata jwa go nwa. Fa o go tokafatsa dilo itse mongwe yo o nang le gape. Ga re batle bothata, kopa ngaka kana mooki tlwaelo e go anamela wa tleleneki ya lona go go neela kwa baneng ba rona. leina la mokgatlho o o ka go
Mme yo o tshwenyegileng thusang. O ntse o ka buisana le moruti ka morero o. Tlhopha se se utlwalang se le botoka mo go wena fela o se ka wa tshola bothata bo mo go wena. Ga bo ne bo tsamaya!
Ga go na lebaka mo go lekeng go buisana ka bothata jwa go nwa le mongwe yo o setseng a tagilwe. Mo emele a tlhapogelwe. Jaanong bolelela motho se a se dirang le ka fao ba bangwe ba amegang ka seo.
Fa o sa kgone go fetola dilo, go raya gore o tlhoka go bona thuso go tswa mokgatlhong o o diranang le mefuta e ya mathata ka letsatsi. Go na le e mentsi mo tikologong.
Bitsa mapodisa fa mongwe a go betsa fa a tagilwe. Bolelela moagisani wa gago ka se se diragalang gore o nne le lefelo le le babalesegileng go ya go lona fa se se diragala. Fa dilo di sa fetoge kana di befa, o ka tshwanelwa ke go bona legae le lengwe koo o ka nnang gore wena le lelapa la gago le bolokege.
Masego!
A ka re jang thusa Dudu?
Go na le mekgwa e le mentsi ya go thusa batho ba baša. Mokgwa o o gaisang ke go tlhomamisa gore ba tlhaloganya ditlamorago tsa go nwa. O
tshwanetse go ba ruta gape ka fa ba ka reng
Nnyaya" le go ema mo go se ba se buang.
Ba ka dira se ka mekgwa e le mentsi. Ba ka tsamaya, fa ba amogela kgatelelo go tswa ditsaleng. Ba ka bolelela motho gangwe le gape gore ga ba rate go nwa. O tlhoka go itshoka jaaka go kgonega mo nakong e. Fa o le legammana, dilo di boima. Tlhomamisa gore ba itse gore ba ka bua mathata a bona le wena.
Metlhala
GO KGABAGANYA
Morago ga nno pelo ya gago e siana ... 
Morago ga dino tse tharo ... e nna maswe
O se ka wa ... kwa senong se sengwe fa o sa rate jalo
Mo ditseleng tse dintsi ... go ne ga fitlhelwa gore bakgweetsi ba ntse ba nwa go feta jaaka go dumeletswe ka molao.
Nnotagi e e maatla e ka isa kwa ... ya legano.
Morago ga go nwa dino tse pedi o bua thata le go nna le ...
GO YA FATSHE
O se ka wa nwa ka gope fa o ...
Batho ba le bantsi ba ... ka ntlha ya malwetse a a amanang le nnotagi.
Bosenyi bo bontsi le ... di diragala gonne batho ba dirisa nnotagi botlhaswa.
Pele o tswelela go bona nno ya gago e e latelang ... galase ya metsi.
Go na le yuniti e le nngwe ya nnotagi mo ... sa weseki, boranti kana disepereti tse dingwe.
O se ka ka gope wa nwa fa o ...
Dikarabo:
Go kgabaganya: 1: godimo; 3: go kgweetsa; 6: go dumela; 8: dikotsi; 10: kankere; 11: tlhakatlhakano.
Go ya tlase: 2: moimana; 3: go swa; 4: tiriso dikgoka; 5: go goduma; 7: thotinyana; 9: go lapa.
